Mathaio 24 :
4-12
4 Jesu a ba fetola a re: "Lo itise gore
ope a se ka a lo timetsa.
5 Gonne batho ba le bantsi ba tlaa
tla ka leina la me ba re: 'Ke nna Keresete;' mme ba tlaa timetsa batho
ba le bantsi.
6 Mme lo tlaa utlwela dintwa, le
medumo ya dintwa; lo bone gore lo se ka lwa kgoberega, gonne dilo tse di
na le go dirafala; mme e bo ise e nne bokhutlo.
7 Gonne morafe o tlaa tsogologela
morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi; go tlaa nna meswele, le dithoromo
tsa lefatshe mo mafelong mangwe le mangwe.
8 Dilo tsotlhe tse, ke tshimologo
ya botlhoko jwa pelega.
9 Ke gone ba tlaa lo tsenyang mo
dipitlaganong, ba lo bolaya, mme lo tlaa ilwa ke merafe yotlhe, ka ntlha
ya leina la me.
10 Foo ba le bantsi ba tlaa kgopiwa,
ba tlaa okana ba ilana.
11 Baperofeti ba le bantsi ba e
seng bone ba tlaa tsoga, mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi.
12 E tlaa re ka boikepo bo tlaa
bo bo ntsifetse, lorato lwa bontsi bogolo lo tlaa tsidifala.
2 Timtheo 3 : 1-7
1 Itse selo se, gore mo metlheng
ya bofelo go tla dipaka tse di tlhokofatsang.
2 Gonne batho ba tlaa nna baithati,
le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng
batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang,
3 Ba se na lorato lwa tlholego e
le ba ba sa itshwarelang, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale,
e se barati ba molemo gope;
4 e le baoki, e le ba ba tlhogoethata,
e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati
ba Modimo;
5 e le ba ba tshotseng setshwantso
fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane
nabo.
6 Gonne ba ga bone bao ke ba ba
kukunelang mo matlong, ba ya go gapa basadi ba dieleele ba ba tletseng
dibe, ba gogwa ke dithato dingwe le dingwe,
7 e le ba ba ntseng ba ithuta, ba
sa nonofa gope go fitlha mo kitsong ya boammaaruri.
- Temana 6 ya Mathaio 24 e bua ka 'dintwa le medumo ya dintwa'. Temana 7 ya re 'Gonne morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologela bogosi'. O tlhoka go bala pampitshana ya dikgang fela kotsa go reetsa dikgang fela go itemogela fela dipalo tsa mafatshe tsatsing jeno a a mo seemong se. (Iraq, DRC, India/Pakistan, Indonesia).
- Temana 7 e tswelela go thalosa ka mauba, meswele le dithoromo tsa lefatshe. Malatsing a re utlwa ka batho ba ba bolaiwang ke tala kwa Angola le mafatshe a mangwe le kgolo e e gakgamatsang ya mauba e bile e didimosa mmele; e sale mo go hulareng ga 1980 AIDS e amile e bile e bolaile didikadike tsa batho mme e tsweletse go dira jalo; mo ngwageng o o fetileng fela, dithoromo tse di lerileng tshenyo e kgolo tse tharo kwa Colombia, Turkey le Taiwan di bolaile tsa bo tsa rontsha batho ba bantsi magae.
- Temana 11 e re bolelela gore 'baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tlaa tsoga, mme ba tlaa timetsa batho ba le bantsi'. Se kwantle ga pelaelo se raya ditumedi le dithuto tse di maswe tse di simologileng mo dingwageng tse di masome tse di tswang go feta, mme di tswelela go gola ka palo.
Ditirafalo tse di tlaa dirafala ka bogolo fa Morena Jesu a sena go tseela ba ba mo amogetseng kwa legodimong - di setse di dirafala gompieno, se kwantle ga pelaelo se supa ka fa go tla ga ga Keresete go leng gaufi ka teng.
Palo ya bobedi, e tswa mo go 2 Timotheo 3, e e
tlhalosang ka boitsholo jo bo makgaphila jwa batho fela pele ga go tla
ga ga Keresete. Boitshwaro jo bo a supega gangwe le gape mo dichabeng tsa
gompieno - banna le basadi ba ba ratang madi le dikgatlhego, boikgantsho,
go tlhoka go itshwarelana, bomaswe, go tlhapatsa le go tlhoka boikgapo.
Modimo o fa mongwe le mongwe wa rona sebaka sa go ipaakanyetsa go tla gape ga ga Keresete. Poloko mo tshenyegong ya bosakhutleng e baakanyeditswe batho botlhe fa Modimo O ne o romela Morwa One go swela dibe tsa rona.
Go tswa mo
go rona - ke rona fela re ka dirang tshwetso e e tlaa amang kwa re tlaa
nnang teng ka bosakhutleng.