Go tla gape ga Morena  |  In English

Gore re kgone go bona dikarabo mabapi le se botshelo tota e leng sone, re tshwanetse go lebelela mo Baebeleng e e leng yone buka fela e e tlhalosang kwa ntle ga phoso tshimologo ya ditso tsa motho le ka bokhutlo jwa motho.

Baebele ke yone fela buka e o ka e ikanyang go bona dikarabo tsa dipotso tse dintsi tse gantsi re retelelwang ke go di araba.

Go tlhaloganya se Sekeresete se raya eng, re tlhoka go bona dikarabo mo lokwalong lo lo gakgamatsang, lo, Baebele....


  • Re itse jang gore Keresete o tlaa tla gape mo bogautswaneng?


  • Mokeresete ke eng?

    Ka bomotlhofo, Mokeresete ke mongwe yo o salang Keresete morago. Mokeresete ke mongwe yo o lemogileng gore seemo sa gagwe se boleo fa pele ga Modimo yo O mothatayotlhe, a bile a amogetse Morwa wa Gagwe, Morena Jesu Keresete, mo botshelong jwa gagwe, go nna Mmoloki wa gagwe.
     

    Ke eng re tlhoka poloko ya Modimo?

    Kagore Baebele e re bolelela jalo! Rotlhe re na le popego ya boleo, e bile ga gona motho ope yo o seng molato fa pele ga Modimo. Baebele e re bolelela gore "botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo" (Baroma 3t23). E bolela gape gore "Ga go ope yo o siameng, le fa e le yo mongwe fela" (Baroma 3t10).
    Modimo O boitshepo, e bile O na le go watlhaya boleo. Mo ga go reye gore ga A re rate; e bile tota, O ne a re rata mo e leng gore O ne a ntsha Morwa wa Gagwe yo O Esi e le setlhabelo sa maleo a rona.
    "Gonne Modimo O ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa One yo O tsetsweng A le Esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go Ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng"
    (Johane 3t16)

    Boleo bo tsene mo lefatsheng ka Atame le Efa - re bala kaga go tlhoka kutlo ga bone mo go Genesise kgaolo 3 - mme ka ntlha ya mo, rona rotlhe re tsetswe re na le popego ya boleo.
    "jaaka boleo bo tsenye mo lefatshing ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo; mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe, ka botlhe ba leofile" (Baroma 5t12).
    Boleo bo re kgaoganya le Modimo, mme loso lwa Morena Jesu mo mokgorong le re lere kwa Modimong. Baebele e re bolelela gore "maikepo a lona a lomologantse fa gare ga lona le Modimo wa lona; le maleo a lona a lo subetse sefatlhogo sa one" (Isaia 59t2)
     

    Motho o nna Mokeresete jang?

    Gore motho a nne Mokeresete, o tshwanetse sa ntlha pele go lemoga letlhoko la poloko ya Modimo, le tshenyego e e kwa pele kwa ntle ga ga Keresete. Baebele e re bolelela gore fa re sa tsalwe sesha mo lwapeng la Modimo re bo re ikwatlhaela maleo a rona, ga re kitla re tsena ka legodimo mme re tlaa tsena mo katlholong e e sa khutleng:
    "fa motho a sa tsalwe sesha, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo"
    (Johane 3t3)
    "maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng mo go Keresete Jesu Morena wa rona" (Baroma 6t23)
    "Morena.....a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong" (2 Petere 3t9)

    Re na le go lemoga gape gore ga re ka ke ra dira sepe go ipoloka - le gore Morena Jesu ke Ene fela yo O ka re bolokang, ka loso lwa Gagwe mo mokgorong: "lo ntse lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo; mme le gone go bile go sa tswe mo go lona; ke neo ya Modimo; go sa tswe mo ditirong, gore go se nne ope yo o tlaa ipelafatsang" (Baefeso 2 dit 8&9)
    "Ga gona poloko mo go ope o sele; le gone ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le batho ba le neilweng, le re nang le go bolokwa mo go lone" (Ditiro 4t12)
    "Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo, ga go tle ope kwa go Rara fa e se ka nna" (Johane 14t6)

    Fa re setse re lemogile letlhoko la rona la poloko, e bile go sena sepe se re ka se dirang go ipoloka, le gore Modimo o rometse Morwa One go re boloka, re na le go baya tshepo ya rona mo go Morena Jesu - re bo re Mo kopa go re itshwarela, le go tsena mo matshelong a rona.
    "Fa re ipolela dibe tsa rona, Ene O boikanngo le tshiamo ya go re itshwarela maleo a rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe" (1 Johane 1t9)
     

    Go dirafala eng fa mongwe a nna Mokeresete?

    Fa motho a amogela Morena Jesu jaaka Mmoloki wa gagwe, o nna mongwe wa ba lwapa la Modimo e bile o tlhomamisediwa bonno kwa legodimong ka bosakhutleng. Ga a kitla a itemogela katlholo ya Modimo, mme o tlaa falola katlholo e e sa khutleng ya molete.
    "Mme botlhe ba ba mo tshotseng, A ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la Gagwe" (Johane 1t12)
     

    Ke bomang ba ba ka nnang Bakeresete?

    MONGWE LE MONGWE o ka bolokwa. Modimo ga O farologane ka letso, bong, dingwaga le mmala. Poloko ya Gagwe ke ya botlhe, mme Modimo o re bolelela jalo mo Lefokong la Gagwe:
    "Mafoko a a molemo.....ke one thata ya Modimo e e isang polokong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang" (Baroma 1t16)

    Baebele e bua ka "tshiamo ya Modimo e e tswang mo go dumeleng mo go Jesu Keresete, e tla mo go botlhe ba ba dumelang" (Baroma 3t22)
     

    Ke bomang ba ba tshwanetseng go nna Bakeresete?

    Fela jaaka go kgonagala gore mongwe le mongwe a bolokwe, mongwe le mongwe o tlhoka go bolokwa. Baebele e re bolelela gore ga gona kgoro epe e sele ya go falola katlholo ya Modimo e bile maduo a go itlhokomolosa neo ya Modimo ya poloko e tlhomame / senogile:
    "yo o ganang go dumela o tlaa sekisiwa" (Mareko 16t16)
    "yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme yo o ganang go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene" (Johane 3t36)
     

    Re tshwanetse go bolokwa leng?

    Baebele e re bolelela ka tlhomamo gore: "Jaanong ke motlha o o lebosegang; bona, jaanong ke letsatsi la poloko" (2 Bakorinthe 6t2). Re tlhagisitswe gape gore: "o se ka wa ipelafatsa ka ga kamoso, gonne ga o itse se letsatsi le tlaa se ntshang" (Diane 27t1)

    Morena Jesu O e tla gape mo lefatsheng go tsaya ba e leng ba Gagwe go ba isa kwa legodimong. Ga re itse gore O tlaa tla leng, mme ditirafalo tsa mo bosheng tsa lefatshe di re supegetsa gore go gaufi thata.
    *Re itse jang gore Keresete o tlaa tla gape mo bogautswaneng?
     

    Re itse jang gore Modimo O tlaa re itshwarela?

    Morena Jesu o ne a re, mo go Johane 6t37: "yo o tlang mo go nna, ga nketla ke mo kgoromeletsa ntle gope" Re itse gore O tlaa re boloka kagore O re solofeditse jalo.
    "Wena, Morena, O molemo, O iketleeditse go itshwarela; O bile O letlotlo la boutlwelobotlhoko mo go botlhe ba ba Go bitsang" (Pesalema 86t5)
    "Fa o tlaa ipolela ka molomo fa Jesu e le Morena, o ba o dumela mo pelong ya gago fa Modimo O mo tsositse mo losong, o tlaa bolokwa"
    (Baroma 10t9)

    Ga A kake A re boloka fela, mme gape O tlaa re sireletsa / tlamela, A bo A nna le rona mo botshelong jotlhe jwa rona jwa sekeresete - "Morena O boikanngo, yo O tlaa lo tlhomamisang, A ba A lo dibela mo go yo o bosula" (2 Bathesalonika 3t3). Modumedi mo go Keresete o na le ditsholofetso tse di sa feleng tse di tswang mo Moreneng wa gagwe - Moshe o ne a raya batho ba Isreaele a re; "gonne Jehofa Modimo wa gago ke Ene yo o tsamayang nao; ga A ketla A go tlhaela le fa e le go go latlha" (Deuteronome 31t6)
    Jute t24 e tlhalosa Modimo e le "yo o nonofileng go lo babalela, gore lo se kgopege, le go lo baya fa pele ga kgalalelo ya One lo se na bogole, lo le mo boitumelong jo bogolo thata"
     


    A Mmoloki yo mogolo, fela fa re ka baya tshepo ya rona mo go Ene!
     
     

    Fa o batla go itse mo gontsi kaga dilo tse, E-mail aterese ya me ke: phil@botswanawildlife.co.uk


    "ANA RE TLAA FALOLA JANG, FA RE TLHOKOMOLOGA POLOKO E E KALO?"
    (Bahebere 2 : 3)

    Go tla gape ga Morena  |  In English